MADUO: 100
NAKO: 2½ DIURA
PAMPIRI E E NA LE DITSEBE DI LE 5.
PAMPIRI YA BORARO (P3)
DITAELO
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA A: Tlhamo 
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano 
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano 
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le nngwe go tswa mo go KAROLO A, KAROLO B le KAROLO C.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karolo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarabo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo le go baakanya tiro ya bona pele ba kwala.
KAROLO YA A
TLHAMO
POTSO 1
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 250 - 300 ka NNGWE fela ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo se neele setlhogo.
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase, mme o tlhagise se se diragalang mo malapeng a rona ka metlha fa re lebeletse thelebišene. Anela ka mabaka a a utlwalang.
KGOTSA
Leba ditshwantsho tse di fa tlase mme o ntshe maikutlo a gago mabapi le tsona.
KGOTSA
E e mašwi ga e itsale.
KGOTSA
Leba setshwantsho se se fa tlase, mme o tlhalose dikotsi tse di ka tliswang ke go goga motsoko
KGOTSA
Puso e dira sentle ka go tlamela bana ka madi. Dumela kgotsa o ganetse setlhogo se.
KGOTSA
Kwala mmuisano magareng ga moruti le modirelaloago mabapi le nyalano ya batho ba bong bo le bongwe.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA A:
KAROLO YA B
DITLHANGWA TSE DILEELE TSA TIRISANO
POTSO 2
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 120 - 150.
O mogokgo wa sekolo. Kwalela batsadi lekwalo la semmuso o ba bolelele ka ga botlhokwa jwa go duela madi a sekolo.
KGOTSA
O kopile tiro e o e boneng e phasaladitswe mo lokwalodikgang longwe, kwala
Lokwaloikitsiso o lo romelele setlamo seo.
KGOTSA
Kwalela Mookamedi wa Lefapha la Thuto memorantamo o mo go ona o ngongoregang ka ga go rutwa ka puo ya gae mo dikolong.
KGOTSA
O leloko la mokgatlho wa bašwa wa kereke ya Lutere. Le le mokgatlho le tshwentswe ke tiriso e e botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi ka bašwa ba motse wa lona. Kwala pegelo ka dingongorego tsa lona le se se ka dirwang.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B:
KAROLO YA C
DITLHANGWA TSE DIKHUTSHWANE TSA TIRISANO
POTSO 3
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100.
Ka o le moeteledipele wa lekgotla la baithuti, o kopilwe ke mogokgo go dira mmogo le barutabana-bagolo ba sekolo go tlhama melao e e tla latelwang ke baithuti fa go iwa motantshong wa materiki. Kwala melao eo.
KGOTSA
Bomogoloo, jaaka fa o le gofejane ba go solofeditse moletlo o mogolo fa o ka falola ditlhatlhobo tsa materiki. Thala le go itirela karata ya taletso e o tla laletsang ditsala tsa gago go tla moletlong.
KGOTSA
Rre rraago o batla go rekisa sejanaga. Mo thuse go kwala phasalatso ya papatso ya sejanaga seo go ngoka kgatlhego ya bareki.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C:
PALOGOTLHE:
